Mo matsatsing a re tshelang mo go ona, sengwe le sengwe se tlhwatlhwa godimo, mme go a makatsa go fitlhela batho ba ba tlileng go tshidisa ba solofela go fiwa dijo tse dintsi tsa maemo a a kwa godimo mo phitlhong. Seemo sa Covid-19 se fetotse dilo tse dintsi, fela se se sa fetogeng ke palo e e ntsi ya batho ba ba yang diphitlhong segolobogolo kwa metse magaeng le kwa metse setoropong. Go a amogelesega gore fa motho a setse a re tlogetse, batho ba le bantsi ba eletsa go ya go mo felegetsa. Fela potso e re ka ipotsang yona ke gore, a phelegetso
eo e tsamaisana le go fepiwa?
Go ka nna jang fa re ka fetola seemo bagaetsho? Ke akanya gore rona ba ba tlileng go tshidisa re ka tswela lelapa le le mo khutlobotlhokong thuso ka go ba isetsa tsa go ja go simolola fela fa mokgosi wa loso o lela go fitlhela ka letsatsi la phitlho go na le gore re solofele gore e nne bone ba re fang dijo.
Ke buisiwa seno ke gore ga se botlhe ba ba nang le madi kwa mafelong a polokelo, ebile gape fa tatodi e tsena batho ba lelapa leo ba simolola go oketsega ka ba masika ba ba tswang kwa mafelong a mangwe ba ba tlileng go ba ema nokeng. Seo se raya gore go tshwanetswe ga simololwa go apewa dijo tse dintsi letsatsi le letsatsi, go dirisiwa metsi le
motlakase o montsi letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo rona fa re tlile go ema kwa lelapeng leo re santse re rotola matlho re emetse go fiwa tee kgotsa senotsididi ka dikuku.
A mme seno ke go direla baswelwa sentle bagaetsho? Ke na le tumelo ya gore fela fa rona baagisani re ka ba fa sa go ja tota re tla be re ba fokoletsa matsapa a go dirisa madi a mantsi mo go fepeng sechaba matsatsi pele ga phitlho le ka letsatsi la teng. Kana go tewa jalo fa gotwe “Matlo go sha a a mabapi”.
Motho mongwe a ka ipolelela gore batho ba na le madi a mantsi fa ba tlhagetswe ke loso. Gongwe a buisiwa seo ke ka ntlha ya gore go na le ditlamo tse re ikwadisang le go di duela kgwedi le kgwedi mme tsona di re thuse ka madi a go boloka fa go tlhagile loso. A mme re a itse gore ditlamo tseo di a tle di re swabise mme tsa se ntshe madi jaaka go solofetswe ka dinako
tse dingwe? Ebile gape a re a itse gore nako nngwe di a tle di diege go duela le fa go rometswe dipampiri tse di maleba kwa go tsona? Jaanong re ka ipotsa gore mo nakong eo ba lelapa le le mo kutlobotlhokong, gongwe ebile e le a le mongwe fela yo o dirang kwa lelapeng leo o dira jang fa a santse a emetse madi ao?
A ga se fela go fitlhela le ene a etsaetsega a be a simolola go sa iketle mo mmeleng, mo moweng le mo tlhaloganyong? Mme fa re lebelela sebakwa sa go sa iketlang ga motho wa batho e le fela gore ga a na madi a go rekela batho ba ba tlang go tshidisa tse ba tlwaetseng go di newa kwa masong a mangwe.
Tlhobaboroko gape mo sechabeng sa rona bantsho ke gore re setse re itlwaeditse gore phitlho ke dijo mo e leng gore batho ga ba sa tlhole ba na le ditlhong tsa go tla go ja fa go boiwa kwa mabitleng le fa tota ba ne ba sa tsenela tirelo ya phitlho. O tla fitlhela e le gore fa dikoloi tsa ntlha tsa ba losika di goroga kwa lapeng, go setse go na le mola wa go tsaya dijo o o matsoketsoke.
O ipotse gore mola oo o tswa kae jaanong gonne batla phitlhong ba santse ba le mo tseleng ya go boa kwa mabitleng. Jaanong ebile ka mo matsatsing a gompieno go dirisiwa dijana tsa go tsholela tse di latlhiwang, ba bangwe ba bona seno e le tshono ya go itseela le dijo tsa bosigo
kwa phitlhong go ya malapeng.
Ao bagaetsho, a mme botho bo setse bo ile go le kalo ruri? Mongwe a ka tsaya
gore ke dira metlae, mme ke a go netefaletsa gore ke bone seno se diragala makgetlho a le mantsi tota.
Mo gongwe le ba ba tlhagetsweng ke loso, ba nna mo pitlaganong ya kgaisano le mo nakong ya kutlobotlhoko tota. Fa baagigisanyi ba ba nang le bokgoni ba ne ba kgonne go apaya mahenyahenya le bone ba ipolelela gore ba tshwanetse ke gore ba dire botoka. Seo se dira gore morago ga phitlho batho ba sale ba le mo dikolotong tse di thibang letsatsi ka ntlha ya selo se.
A re dumalane gore, motlhang re kopanang o tla ntemosa gore, go tloga ka nako eno neng o buisa se ka yone, o lemogile fa go sa tlhokege go apaya dijo tse dintsintsi le tsa maemo ko diphitlhong.
A re e beye phegelwana fa, ka gore ga e ke e ntsha boloko jotlhe, lebaka e le gore ga bo se gangwe, ka le moso o beelwa.
#NnaOReeditse1098
Mokwadi :
Archie Babeile
GIPHY App Key not set. Please check settings