in

Dithoto Tsa Sekolo Tse di Utswilweng kwa Motseng wa Pella di Bonwe

Lefapha la Thuto la Bokone-Bophirima le akgola kgato e e tserweng ka bonako ke Foramo ya Sepodisi sa Setšhaba (CPF) le setšhaba sa Motsana wa Pella, Mmasepala wa Selegae wa Moses Kotane, e e dirileng gore go busediwe dithoto tse di utswitsweng morago ga go thubiwa kwa dikolong di le tharo mo bokhutlong jwa beke.

Dikolo tse di amilweng ke go thubiwa ga dikolo tsa Tapos Primary School, Sewagodimo Technical School, le Morare Secondary School, di ne tsa latlhegelwa ke dilo tse dintsi, go akaretsa di TABLETS tse di neng di beetswe baithuti ba Grade R le setsidifatsi. E re ka maloko a setšhaba a ne a le kelotlhoko, ba CPF ba ne ba kgona go bona dilwana tseno tse di utswitsweng. Go tla go fitlha jaanong, mongwe wa batho ba ba neng ba dira tiro eno o setse a tshwerwe, mme dipatlisiso di sa ntse di tsweletse.

MEC wa Thuto mo Porofenseng ya Bokone Bophirima, Viola Motsumi, o ne a akgola setšhaba le CPF ka go tsiboga ka bonako le go nna le seabe mo go sireletseng dikolo.

“Ke rata go leboga Community Police Forum le banni ba Pella Village go tswa pelong ka ntlha ya go tsaya kgato ka bonako go busetsa dithoto tse di utswitsweng. Tlhokomelo ya lona le maitlamo a lona a go sireletsa dikolo tsa rona a botlhokwa thata”, go rialo MEC Motsumi.

“Ditiragalo tse di tshwanang le tseno di re gakolola gore pabalesego ya dikolo tsa rona ga se boikarabelo jwa lefapha fela mme ke jwa setšhaba sotlhe. Motsumi o oketsa ka gore, fa re dira mmogo, re ka tlhomamisa gore didirisiwa tsa thuto tsa baithuti ba rona di a sirelediwa le gore dikolo tsa rona di nna e ntse e le mafelo a a sireletsegileng go botlhe.

Lefapha la Thuto la Bokone Bophirima le tswelela go dira mmogo le batlhankedi ba semolao le setšhaba go netefatsa gore batho ba ba dirileng bosenyi jono ba bonwa molato le gore ditiragalo tse di tshwanang le tseno di thibelwe mo isagweng.

What do you think?

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

GIPHY App Key not set. Please check settings

Workers at Zeerust Hospital End Strike After Constructive Meeting with North West Health MEC

[Watch] North West Department of Social Development Empowers Women