
Motlatsa Mopresidente was Aforika Borwa, Paul Mashatile, o tlile go etela Porofense ya Bokone Bophirima go simolola ka mananeo a phatlalatso a ditlhabololo a a tla simololang ka la 1 Phatwe 2025. Tiro ya gagwe ya ntlha e tla nna neelo semmuso ya setanka sa metsi sa 25 ML sa Moretele South Bulk Water Supply Scheme kwa motsaneng wa Dilopye, go tokafatsa kabo ya metsi a a ka siameng mo setšhabeng.

Sebueledi sa gagwe, Keith Khoza, o rile Mashatile otla tswelela ka letsholo la “Clean Cities and Towns” kwa motsaneng wa Mogogelo. Letsholo leno ke le le amang lefatshe ka bophara, le etelelwa pele ke Mashatile ka maikaelelo a go rotloetsa metse ee phepa, e e mentle, le e e akaretsang botlhe, go gatelela tekatekano, botsogo jo bo siameng le tirisanyo mmogo magareng ga baagi.

“Gape Mashatile le setlhopha sa gagwe ba tla dirisa sebaka seno go fa baagi dipolelo mabapi le dikgato tse di tseregang mo katisong ya ditlamelwana le ditirelo mo setšhabeng se ba etelang,” ga rialo Khoza.
Kopano ya baagi e tla tshwarelwa kwa Holong ya Setšhaba ya Mogogelo. Ka lamatlhatso, Mashatile o tla etelela pele tshimolololo ya Lekgotla la Tlhabololo ya Batho ba ba Nang le Bokgoni mo Porofenseng (HRDC) kwa ORBIT TVET College, Mankwe Campus.
Khoza o okeditse ka gore HRDC ke lekgotla le le akaretsang dikarolo tse di farologaneng go emela leano le le ntšha la Tlhabololo ya Batho la 2030, le le ikaeletseng go aga bokgoni jo bo maleba jo bo tla thusang kgolo ya itsholelo ya lefatshe.



GIPHY App Key not set. Please check settings